Acts 19

Paulo mo Efeso

1Mme erile Apolose a santse a le mo Kontha, Paulo a ralala ntlheng ya godimo mme a goroga kwa Efeso, kwa o neng a fitlhela teng barutwa ba le bantsinyana. 2One a ba botsa a re, “A lo ne lwa amogela Mowa O O Boitshepo fa lo dumela?” Mme ba fetola ba re, “Nnyaa, ga re itse gore o rayang. Mowa O O Boitshepo ke eng?”

3Mme Paulo a ba botsa a re, “Lo kolobeditswe ka kolobetso e e ntseng jang?” Mme ba araba ba re, “Kolobetso ya ga Johane?”

4Mme Paulo a ba bolelela gore kolobetso ya ga Johane e ne e le go supa keletso ya go sokologa mo sebeng go ya kwa Modimong le gore ba ba amogelang kolobetso ya gagwe ba tshwanetse go tswelela ba dumela mo go Jesu, yo Johane o neng a bolela gore o tlaa tla.

5Erile fela jaaka ba utlwa a bua jaana, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu. 6Erile fa Paulo a ba baya diatla, Mowa O O Boitshepo wa fologela mo go bone, mme ba bua dipuo di sele ba bo ba porofesa.

7E ne e ka nna banna ba le lesome le bobedi 8Mme Paulo o ne a ya kwa tlung ya thuto a rera ka bopelokgale Sabata mongwe le mongwe mo dikgweding tse tharo, a bolela se a se dumetseng le gore ke ka ntlha yang fa a ne a dumela, ebile a tlhotlheletsa ba le bantsi gore ba dumele mo go Jesu. 9Mme bangwe ba ne ba gana molaetsa wa gagwe mme ba bua mo pepeneneng kgatlhanong le Keresete, mme a tsamaya, a gana go ba rerela gape. Mme a tswa le badumedi, mme a simolola kopano e nngwe gape mo tlung ya ga Turano mme a rapela koo letsatsi le letsatsi. 10Mo go ne ga tswelela dingwaga di le pedi, mo e leng gore mongwe le mongwe mo kgaolong ya Asia ebong Bajuta le Bagerika, ba ne ba utlwa molaetsa wa Morena. 11Mme Modimo wa naya Paulo nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di sa tlwaelesegang, 12mo e leng gore e ne e re fa diiphimolo (disakatuku) tsa gagwe kgotsa diaparo tsa gagwe di bewa mo balwetseng, ba fole, le mewa e e maswe e e neng e le mo go bone e tswe.

13Mme setlhopha sengwe sa Bajuta ba ba neng ba tsena motse le motse ba ntsha mewa e e maswe, ba ne ba loga leano la go leka go dirisa leina la ga Jesu Keresete. Se ba neng ba se akantse e ne e le gore ba tlaa bua ba re, “Ke a go laola ka Jesu yo Paulo o mo rerang gore o tswele kwa ntle!” 14Bo-morwa Sekefa moperesiti wa Mojuta, ba supa, ba ne ba dira jalo. 15Mme erile ba lekeletsa mo monneng yo o nang le mowa o o maswe wa fetola wa re, “Ke itse Jesu ebile ke itse Paulo, mme lona lo bo mang?” 16Mme a tlolela bangwe ba bone ba le babedi a ba betsa mo ba neng ba siela kwa ntle ga ntlo ya gagwe ba sa ikatega ebile ba bolaisegile thata.

17Polelo ya se se diragetseng ya anama ka bonako mo motseng otlhe wa Efeso, mo Bajuteng le mo Bagerikeng ka go tshwana, ga nna poifo e kgolo mo motseng, mme leina la Morena Jesu la tlotlwa thata. 18
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 19:19.
19
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 19:18-19.
Badumedi ba le bantsi ba ba neng ba dirisa maselamose ba ipolela ditshiamololo tsa bone ba tlisa dikwalo tsa bone tsa boloi le melemo e ba e dirisang ba di tshuba ka molelo mo pepeneneng. (Mongwe a akanyetsa tlhwatlhwa ya dikwalo tseo go ka nna dipula di le dikete tse di masome matlhano).

20Mo go ne go supa gore kgaolo yotlhe e ne e amilwe ke molaetsa wa Modimo go le kae.

21Morago ga moo Paulo a utlwa a gogwa ke Mowa O O Boitshepo go ya kwa Gerika pele ga a boela Jerusalema. O ne a re, “Morago ga moo ke tshwanetse go ya kwa Roma!” 22O ne a romela bathusi ba gagwe ba le babedi, Timotheo le Eraseto, gore ba tsamaele pele go ya Masedonia fa a sa ntse a setse lobakanyana mo Asia.

23Mme ka nako eo, go ne ga nna pheretlhego e kgolo mo Efeso kaga Bakeresete. 24E ne ya simologa ka Demeterio, mothudi wa tshipi tsa selefera yo o neng a hirile babetli ba le bantsi go dira ditempelana tsa selefera tsa ga Diana, modimo wa sesadi wa Segerika. 25O ne a bitsa phuthego ya banna ba gagwe, le ba bangwe ba ba hirilweng mo ditirong tse di boletsweng, mme a ba bolelela jaana:

“Borra, tiro e ke yone re amogelang ka yone.
26Jaaka lo itse sentle mo go se lo se bonyeng le se lo se utlwileng, monna yo, Paulo, o tlhotlheleditse batho ba le bantsintsi gore medimo e e itirelwang ga se medimo gotlhelele. Ka ntlha ya moo, theko ya dilo tsa rona e ya kwa tlase! Mme mo ga go bonale fela mo Efeso, go mo tikologong yotlhe ya kgaolo! 27Mme ruri, ga ke bue fela ka theko le thekiso mo seemong se, le kaga tatlhegelo ka fa re neng re ntse re boelwa ka teng, mme le gore go ka diragala gore tempele ya ga Diana modimo wa sesadi o mogolo e latlhegelwe ke tlotlo, mme Diana, modimo o montlentle o, o o sa obamelweng fela ke tikologo yotlhe ya Asia mme o obamelwa ke lefatshe lotlhe, o lebalwe!”

28Erile fa ba utlwa jaana, ba galefa thata mme ba simolola go goa ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!”

29Bontsi jo bogolo jwa batho jwa simolola go phuthega mme ka bofefo motse wa tlala pheretlhego. Mongwe le mongwe a tabogela kwa kagong ya botshamekelo, ba swaswaila Gaio le Arisetareko, bapati ba ga Paulo go ya go sekisiwa. 30Paulo o ne a batla go tsena, mme barutwa ba ne ba se ka ba mo letla. 31Mme bangwe balaodi ba Baroma ba kgaolo e, ditsala tsa ga Paulo, le bone ba ne ba romela molaetsa kwa go ene, ba mo kopa gore a seka a ba a tshameka ka botshelo jwa gagwe ka go tsena mo tlung ya botshamekelo.

32Mo teng, batho botlhe ba ne ba goa, ba tsositse modumo, mongwe a bua sele yo mongwe le ene a bua sele, sengwe le sengwe se ne se tlhakatlhakanye. Tota bontsi jwa bone bo ne bo sa itse gore bo tletse eng foo.

33Mme Alekesandere o ne a lemogwa mo boidiiding ke Bajuta bangwe mme ba mo gogela fa pele. O ne a gwetlha ka seatla gore go didimalwe mme a leka go bua. 34Mme ya re fa boidiidi jwa batho bo lemoga gore ke Mojuta, ba simolola gape ba tsosa modumo sebaka sa oura tse pedi ba ntse ba re, “Go mogolo Diana wa Baefesia!”

35Mme lwa bofelo molaodi o ne a kgona go ba didimatsa gore a kgone go bua. O ne a re, “Banna ba Efeso, mongwe le mongwe o itse gore Efeso ke motse mogolo wa tumelo ya ga Diana yo mogolo, yo setshwantsho sa gagwe se fologileng se tswa legodimong. 36Mme e re ka se e le boammaaruri jo bo sa kakeng jwa ganediwa, ga lo a tshwanela go tshwenyega le fa go ka buiwa go tweng ebile lo seka lwa dira sepe ka mahega. 37Ntswa lo tlisitse banna ba fano ba sa utswa sepe mo tempeleng ya ga Diana le gone ba sa mo nyenyefatsa ka gope. 38Mme fa Demeterio le babetli ba gagwe ba na le molato nabo, ditsheko di tsenye mme basekisi ba ka seka tsheko e gone jaanong jaana. A ba tsamaye ka fa molaong. 39Mme fa go na le dingongorego kaga dilo dingwe, di ka baakanngwa sentle mo diphuthegong tsa lekgotla la motse; 40gonne re mo diphatseng tsa go bidiwa ke mmuso wa Ba-Roma gore re bolele gore khuduego e ya gompieno e simologile jang, ka go sena mabaka ape a a e simolotseng. Mme fa Baroma ba batla tlhaloso ga ke itse gore ke tlaa reng.” 41Hong a ba phatlalatsa ba tsamaya.
Copyright information for TsnLEF